Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Tsa Pholo

Re bolawa ke malwetsi kgotsa ke menagano e e fosagetseng

Gona le batho ba ba kgonang go phela sebaka morago fa ba sena go lemoga gore ba na le bolwetsi bongwe jo bo kotsi, gongwe jo bo sa foleng. Bolwetsi jaaka HIV/AIDS bo tumile thata ka gore bo a bolaya, se se makatsang ke gore bangwe ba batho ba ba tshwaeditsweng ba kgona go phela dingwaga di ka nna masome a mabedi (20), fa bangwe dingwaga tse pedi di le dintsi go phela. Jaanong potso ke gore a ba bolawa ke bolwetsi kgotsa ke tlhaloganyo e e ba atlholetseng loso. Go nna le monagano o o siameng ka nako tsotlhe, ke sona se se ka re thusang go fenya kgotsa go laola malwetsi a rephelang ka ona. Fa o bolelelwa gore o a lwala mme wa gopola loso, o setse o ipolaile. Gantsi fa go buiwa ka batho ba ba ipolayang go buiwa ka ba ba ikgwagetsang kgotsa go dirisa sengwe le sengwe se se kotsi go tsaya botshelo jwa bone, go lebalwa batho ba

MEFUTA YA MALWETSI LE TSA PHOLO KA KAKARETSO

Tshedimoso ya malwetsi e e ranotsweng gotswa mo tshekatshekong ya baitsaanape ba maemo a a kwa godimo ba boNgaka. Mongwe le mongwe o rotloediwa go bona Ngaka ya gagwe fa a sa itemoge sentle, gore e mo netefaletse bolwetsi le kalafo e e maleba go nne batlhotlhi kgotsa baetleetsi le fa ele badiri gongwe baithaupi ba webesaete e. ba se kitla ba tsaya maikarabelo a tiriso e e botlhaswa ya tshedimoso e e tlhagelelang fa tlase fa, ka malwetsi a a farologaneng.
HIV/AIDS  |   Kankere  |   Khupelo  |   Lehuba  |   Pelo  |   Marapo le Ramatiki  |   Sukiri  |  

Thuso ya Potlako

Dintlhanyana tsa THUSO YA POTLAKO

GO TSWA MADI: (THATA) Emisa madi ka bonako ka go gatelela menwana kgotsa letsogo mo karolong e e tswang madi go fitlhelela o bona le letsela le le phepa. Dirisa letsela leo go tswala ntho. Fa madi antse a tswa mme a tswelela mo letseleng leo, se tlose letsela le la pele, bofa gape ka le lengwe mo godimo ga lona. O tshwanetse go isa karolo e e utlwileng botlhoko kwa godimonyana, ntle le fa o belaela gore karolo eo e robegile. Fa lerapo le tlhagelela le tshware mo matlhakoreng otlhe ka go tshwana.
(GO LE GONNYE) Tlhapisa karolo e e tswang madi eo sentle ka metsi a a elelang. E omise o be o bofa ka letsela le le phepa. O seka wa dirisa sepe go ka tlotsa fa molwetse a tshwanetse go ka bona ngaka. Mo alafele letshogo.

Marapo a a robegileng: Kwantle le fa bophelo jwa motho bo le mo kotsing, o seka wa sutisa molwetse pele o ka dira gore mo go robegileng go seka ga tsikinyega. Emisa go ka tsikinyega ka go bofa letlhakore le le gobetseng, kgotsa dirisa mmele go tsamaya kgotsa o ka dirisa sengwe le sengwe se se ka kgontshang motho go kgona go tsamaya jaaka mokgele, lore le dipampiri tse di potokilweng thata e bile di nonofile. O seka wa bofa karolo e e robegileng, alafa go dutla ga madi pele o alafa go robega, fela o bofe kwa godimo le kwa tlase. O seka wa fa molwetse sepe se se jewang kgotsa sa go nwa. Fa o belaela gore botlhoko bo mo marapong a mokwatla, se sutisi molwetse ntle le fa bophelo ba gagwe bo ka tlhagelwa ke kotsing go tswa mo lefelong le a leng mo go lone, mo alafele letshogo.

Go šwa le dipudula tsa molelo: Ka bonakonako tshela metsi a a tsididi O seka wa tlotsa sepe. Se apole molwetse diaparo. O seka wa phunya dipudula. Apesa karolo e e šweleng ka letsela le le phepa, le le tswang mo metsing a a botsididi ba boswa kgaphetla. O seka wa mo fa sepe sa go nwa.

Go fisiwa ke di khemikhale: Tlhapisa sentle karolo eo ka metsi a a tsididi metsotso e ka nna lesome. Dirisa seo se leng kgatlhanong le botlhole fa se le molemo kwantle le fa e le mo matlhong; apesa ka letsela le le phepa. Fa o šwele go le go nnye fodisa karolo e e šweleng ka metsi a a tswang mo setsidifatsing metsotso e le lesome. Alafa letshogo.

Go betwa/kgamiwa: Lebisa tlhogo ya motho yo o betilweng kwa tlase mme o tobetse ka kgonojwe fa gare ga magetla. Bana ba bannye o ka isa tlhogo go le gonnye kwa tlase ga mafatlha obe o mo phophotha kwa morago. Fa go sena thuso bitsa ba thuso ya potlako ka bonako.

Go tlabolwa/tshwarwa ke motlakase: Tima motlakase gotlhelele pele o tshwara motho yo o tshwereng ke motlakase. Fa go sa kgonagale go ka tima motlakase, kgarameletsa motho yoo kwa kgakala ka go dirisa thobane, rabara e nnye kgotsa di tlelafo tsa rabara mo matsogong. O seka wa mo tshwara go fitlha o netefatsa gore motlakase o fedile mo go ene. Alafela letshogo le go šwa fa go tlhokegang, mo thuse ka go mo budulela mowa mo molomong fa a sa kgone go hema, mme o bitse ba thuso ya potlako.

Kgobalo ya matlho: Fa kgobalo e le nnye, go tsene sengwe se senye mo leitlhong, gongwe tshenekeginyana emisa karolo e e kwa godimo, go go feta e e kwa tlase. Fa sefatlhi /selabe seo se sa tswe, tswala matlho mme o apese ka letsela le le botlhoswana. Fa e le ditlhase, tshipi kgotsa difatlhi tse ditona, le fa go tswa madi, o seka wa dira sepe mo leitlhong. Dira gore kgolokwe e eme, e tswale ka letsela le le phepa kgotsa sakatuku mme o bone ngaka ka bonako.

Go idibala Fa motho a ikutlwa e kare o tla idibala, dira gore a nne fa fatshe sentle mo go nang le mowa, mme tlhogo ya gagwe e lebe kwa tlase fa gare ga mangole. Fa motho a setse a idibetse, mo robatse mo fatshe mme o emise maoto a gagwe. Bofolola sengwe le sengwe sa diaparo tse di mo tshwereng. O ka dirisa letswai gore a le nkge mme fa a phaphama, mo fe sengwe se se tla dirang gore a itharabologelwe ka bonako.

Go longwa ke ditshenekegi le lebolela: Dirisa bicarbonate soda kgotsa o tlotse se tlotso se se thibelang di aleji (antihistamine cream) go fodisa botlhoko. Fa lebolela le bonagala le ntshe. Bofa ka letsela le le phepa le le omileng. Fa go na le borurugo kgotsa sengwe se se sa tlwaelegang, bona ngaka ka bonako.

Pudulelo ya mowa ka molomo: Sekamisetsa tlhogo sentle kwa morago. Ela tlhoko sentle gore a tsela ya mowa e bulegile. Tswala dinko, goga mowa, baya molomo wa gago mo godimo ga wa molwetse mme o budulolele mowa mo gare ga molwetse. Busetsa tlhogo ya gago kwa morago, mme o goge mowa o mongwe gape, mme o tswele pele ka go mmudulela mowa. Dira jalo go fitlhela molwetse a kgona go hema, kgotsa ba thuso ya potlako ba fitlha. Dira seno diura fa go tlhokagala. Hema ka bonako mme o tsamae ka bonolo mo baneng le masea.O ka fitlhela go le bonolo go tswala dinko le molomo tsa ngwana ka molomo wa gago. Fa mafatlha a molwetse a sa bontshe go ya kwa godimo le kwa tlase fa o mo naya thuso e, mo fetole o mo robatse ka letlhakore mme o mmetse thata ka seatla fa gare ga magetla. Mo robatse gape molala o gogilwe mme o tswele pele ka pudulelo ya molomo le molomo. Fa molwetse a utlwile botlhoko mo molomong, dirisa dinko fela, molomo o tshwanetse o tswalege, tswelela jalo ka go budulela mowa molomo le molomo.

Go tswa mokola: Molwetse o tshwanetse a nne fatshe, a itshegeditse go se nene go ya pele. Nota nko fa tlase ga karolo e thata. O ka dira jalo lobaka le le leele. Sengwe se se maruru ka fa morago ga molala kgotsa mo magareng a nko se ka thusa. Tlhalosetsa molwetse gore a dirise molomo go ka hema, mme a seka a mina morago fela fa mokola o sena go emisa

Botlhole: Leletsa ba lefapha la kitso ya botlhole mo mogaleng wa 0800 333 444 (SA). Ba bolelele mofuta wa botlhole o o nolweng le gore go nolwe botlhole bo bo kana kang. O seka wa buisa molwetse, dira gore a nne a didimetse, o seka wa mo pateletsa go tlhatsa ntle le fa o laetswe jalo ke ba lefapha. Fa a idibetse baa leitlho go lebelela fa a santse a hema. Mo alafele letshogo. Batla thuso ka bonako.

Letshogo: Letshogo le teng mo dikotsing tse di ntsi. Molwetse o nna mosweunyana, maruru a nne metsi e kare o angaparela. Kalafi ya letshogo ke go ikhutsa le go nna mo lefelong le le nang le mowa ophepa le le bothitho jo bo itekanetseng. Molwetse a seka a thuthafala thata le fa a lebega a sitilwe thata. O seka wa mofa sepe le fa e le letswai go fitlha a bona ngaka

Go longwa ke Noga: Molwetse o tshwanetse go nna a didimetse, e bile a sa tshikinyege, bofa karolo e e lomilweng ka letsela, netefatsa Gore ga le a gagamala gore le seka la emisa madi. Dira gore karolo eo e seka ya tsikinyega go thibela botlhole gore bo seka jwa anama go ya kwa pelong ka bonako.

Go lokologa: Bofa ka letsela o le gagamatse kgotsa ka polasetara ya rekere go naya tshegetso e e siameng. Metsi fela a a tsididi kgotsa a setsidifatsi a ka fokotsa botlhoko. Go lokologa go gongwe go tsietsa jaaka go robega mme o tshwanetse go bona ngaka.

Bolwetse jwa Letsatsi: Matshwao a teng ke tlhogo e opang thata le letlhatso. O rotloediwa go bona ngaka. Pele oka mo isa ngakeng mo thuse ka go mmaya mo lefelong le le tsiditsana go leka go fokotsa mogote mo go ene ka go mo apola diaparo tse dingwe mme o dirise seponjhe sa metsi a a bothithwana.



Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com