Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Dikgwedi, Ditlha le Nako

Melawana ya go kwalwa ga di kgwedi jaaka e tlhalosiwa ke Lekgotla la bosetšhaba la Puo ya Setswana
Dikgwedi tsa Setswana tota di ne di le lesometharo, di se lesomepedi jaaka gontse gompieno. Kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa Setswana e ne e le Lwetse fa ya bofelo e ne e le Phatwe. Se se raya gore dikgwedi tsa ngwaga wa Setswana di ne di rulagane jaana: Lwetse, Diphalane, Ngwanaitseele, Sedimonthole, Morule, Firikgong, Tlhakole, Mopitlwe, Moranang, Motsheganong, Seetebosigo, Phukwi, Phatwe. Boammaruri ke gore kgwedi ya Setswana e na le malatsi a le masomepedirobedi (28).

Ka re setse re dirisa dikgwedi di le lesomepedi, ka ntlha ya pudulogo ya bophirima, dikgwedi di tshwanetse go kwalwa, go kgaoganngwa le go tlhomaganngwa ka mokgwa o o ntseng jaana.
1. Firikgong, 2. Tlhakole, 3. Mopitlwe, 4. Moranang, 5. Motsheganong,
6. Seetebosigo, 7. Phukwi, 8. Phatwe, 9. Lwetse, 10. Diphalane,
11. Ngwanaitseele, 12. Sedimonthole.


Tlhaloso ya maina a dikgwedi
  1. Firikgong
  2. Tlhakole:
  3. Mopitlwe:
  4. Moranang:
  5. Motsheganong:
  6. Seetebosigo:
  7. Phukwi:
  8. Phatwe:
  9. Lwetse:
  10. Diphalane:
  11. Ngwanaitseele:
  12. Sedimonthole:
Dikgwedi Tsa Setswana di lesome le boraro. Ditsamaisana le Ngwedi yo o tsamayang malatsi ale 28 eseng 30 kgotsa 31. Kgwedi ya ntlha ya Setswana mo ngwageng ke Lwetse ka gore sengwe le sengwe sa dimela se bontsha botshelo gore bo a simologa ka go mela. Mariga ke bokhutlo jwa ngwaga ka gore sengwe le sengwe se a swa go bontsha bokhutlo jwa ngwaga.
  1. Lwetse – Legodimo le be le lwala pula gotwe Maru a Mmemeru a pula. Pula e ka na nako ngwele ngwe.
  2. Diphalane – Ke nako e Diphala di tsalang ka yone e bile e ka bidiwa Mosetlha ka nako e o Mosetlha o be o thuntse.
  3. Ngwanaitseele – Moretlwa o be o simolola go butswa go bonala ditlheka tse di buduleng fale le fale bagolo ba re “Ngwana itsele tlhekwa” Ka nako e o bagolo ba ka se dije ka di a be di ise di butswe.
  4. Sedimonthole – Makgomane a be a simolola go go tiya fa o tswa go tlhagola kwa Masimo o tle o kgetlele o latletse mo tlatlaneng o bipi ka Morula. Ka e le Moila go loma pele ga Kgosi. Maungo a ntlha go loma Kgosi pele. Fa o fitlha kwa gae mo Segotlong o kope mongwe go go rola o re “Selo sa Modimo Nthole” bangwe bare Sedimonthole wa Morula.
  5. Morula – Ka nako eo Morula o be o budule o jewa gotwe ke Kgwedi ya Morula.
  6. Firikgong – Lephoi la Mofiri kgotsa Kofiri le selang dikgonnyana le go aga Sentlhaga go tla go simologa go beela Mae. Leina le tswa mo go Mofiri le Dikgong e be e nna Firikgong.
  7. Tlhakole – Nako e Mabele a setse a goloka jaanong Mmudula o wa go be go twe a “ Tlhakola Mmudula”
  8. Mopitlo – Ditlhaka tsa Mabele di a gola di kgotlagana gotwe Mabele A Pitla Dikgala. Ke gore a Pitlagana go tswala sekgala mo gare ga o ne.
  9. Moranang – Dinawa tse di bidiwang Moranang di be di tiya go simololwa go jewa Nyebu le dikgobe. Leina le bidiwe “Moranang wa Nawa”
  10. Motsheganong – Mabele a tiile a retelela dinonyane go a ja mo Masimong go twe “Mabele a Tshega Dinonyane Ganong”
  11. Seetebosigo – Mariga a be a loile go le Serame go tsibosiwe batho gore ba “Se ete bosigo ba tshabe Serame”
  12. Phukwi – Matlhare a ditlhare dingwe a a be a setse a “Fukunya” go budusetsa go tla tswa.Go bonale dikgononyana mo dikaleng tsa ditlhare tse di ntseng ditlhotlhoregile matlhare.
  13. 13. Phatwe – Diphefo tsa ditsuatsue tse di phatlholang ditlhare, di be di tlogela ditlhare di ntse maphata.


Tlhalefang.com © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mophasalatsi cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com

Le fa re lekile ka bo jotlhe go dirisa tshedimoso e e siameng le puo e e letlelesegileng ya Setswana, ga re tshepise go re sengwe le sengwe se kwadilweng mo SETSWANA.COM se nepagetse ka botlalo. Mongwe le mongwe yo a nang le tshedimosetso e e botoka gongwe e e nepagetseng go feta e e kwadilweng o letleletswe go e tlhagisa ka botlalo go thusa go tsweletsa le go godisa Puo le Ngwao ya Setswana. Dikganetsano le dingangisano tsotlhe di buletswe.