Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
Setlhopha sa mmino
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Ka ga SETSWANA.COM

Mogaetsho pelo e se nang phufa selo ya be e se sa yona. Ka lefufa le nkapere, ke bone go le botlhokwa gore ke dirise kitsonyana e e potlana e ke nang le yona ya tsa mafaratlhatlha, le lemmenyana la kitso ya Setswana gore ke dire webesaete ya Setswana e re tla ikgantshang ka yona. Maikaelelo ke gore re tsole Setswana, se nne mo pepeneneng mme mongwe le mongwe yo a itseng go buisa ka Setswana, a dire jalo go o ketsa kitso ya gagwe ka re tlaabo re kgobokantse sengwe le sengwe se se botlhokwa. Matsatsing a dilo di mmalwa tse di fatlhosang ka Ditiragalo tsa Batswana mo di inthaneteng le fa dikwadilwe ka sejatlhapi.

Bua Setswana Buisa Setswana ke porojeke e e kwadilweng ka Setswana go rotlweetsa Batswana go Buisa Setswana. Go dira sengwe sa mofuta o go tlhoka tshegetso e e tona ya matlole, go kwala, le go fetolela tse di setseng di kwadilwe, go kopa tetlelelo ya go dirisa tshedimosetso e e setseng e kgobokantswe, khomphita le inthanete, tiriso ya mogala, Maikaelelo le tse dingwe. Fa thuso ya dilo tsotlhe tse e ka nna teng re ka nna motlotlo ka tiro e e nepagetseng e sekasekilwe sentle gore e tlhagelela mo setšhabeng e nonofile. Kgwetlho e ke kopaneng le yona ke go tlhoka thuso ya tshegetso ya dingwe tse di umakilweng fa godimo. Bothata e ne e le gore, Maikaelelo, lerato, maikutlo a a monate, le phisigelo ya go dira se, ke di tsenye jang mo bathong ba ke tlhokang thuso mo go bona.

Kana motsoga pele o kile a re: mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba. Ke ne ka simololo go tsaya maikarabelo a go lebagana le kgwetlho ya go dira webesaete e ya Setswana, morago ga thotloetso e ke e amogetseng go tswa mo bathong ba ke ba itseng le ba ke sa ba itseng. Kakanyo e ga ke simolole le yo na fa, maloba mogasi mongwe o ne a ngongorega ka tiriso ya Setswana mo bokwading, ke ne ka etela inthanete mme ka fitlhela gore tlhagelelo ya Setswana e kotlase thata. Ke ne ka fitlhelela gore fa o tshwanetse go reka Lokwalo lwa Setswana le kwadilwe ke mokwadi wa moagisanyi o tshwanetse go le reka kwa moseja o duela ka di dolara. a me le

A o kile wa ba bona

Ke raa bo Tlhogoputswa ba imatswa ka masufu fa kgotleng ba ntse disanyana, musi o kueletse, go ntse go botsanwa matsogo le gore. O mosimane wa ra mang monna? motlotlo o ile magoletsa go neelwana maele, metlae le yona e ntse e tlhagelela fale le fale, mongwe a o me yo mongwe ka lore, e re a ribela a nne fatshe, ga jewa ditshego, bangwe meno ba sale ba a phuphurile le dithotse, go fapaanelwa phafana ya metsi masetlha, mabele mabelega batho. Monna a botsa gore, ke mosadi waara mang o a titietseng e tle a sale kwaara Mosadi a sale a titiela. Gatwe ke Mosadi waara mosala o sala kwa rra Mosala a sala a titielela Mosala. Ba bitse mosimanyana a beile lerago mo seretheng, bare mosimane itlole o ithage lerago, o bolelele bo mmemmaago gore nkgo e kgadile le rona re kgadilwe. Seatla sentse sere ke rakane le basimane ba tswa botlhaba ba ya bophirima nna ke tswa bophirima ke ya botlhaba.

Ditshwanelo tsa Botho


















Tlhalefang.com © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mophasalatsi cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com

Le fa re lekile ka bo jotlhe go dirisa tshedimoso e e siameng le puo e e letlelesegileng ya Setswana, ga re tshepise go re sengwe le sengwe se kwadilweng mo SETSWANA.COM se nepagetse ka botlalo. Mongwe le mongwe yo a nang le tshedimosetso e e botoka gongwe e e nepagetseng go feta e e kwadilweng o letleletswe go e tlhagisa ka botlalo go thusa go tsweletsa le go godisa Puo le Ngwao ya Setswana. Dikganetsano le dingangisano tsotlhe di buletswe.