Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

KITSO KAKARETSO

| Thuto ya Diane | Diane le ditlhaloso | Thuto ya Maele | Maele le ditlhaloso | Dithamalakwane | Dikapolelo
| Makaelagongwe | | Malatodi | Ditumatshwano | Dikapuo | Motlotlo | Dinaane |

Dikapolelo

01. Monna yo o swetsweng ke mosadi ke moswagadi
02. Mosadi yo o swetsweng ke monna ke motlholagadi
03. Ngwana wa ntlha mo lapeng ke maitibolo
04. Ngwana wa bofelo mo lapeng ke gofejane.
05. Ngwana yo tshotsweng fa morago ga me ke nnake.
06. Motho yo o nang le leit1ho le le lengwe ke moitlhwe.
07. Motho yo o nang le letsogo le le lengwe ke tsogwane.
08. Motho yo o nang le leoto le le lengwe ke kotwane.
09. Motho yo o sa utlweng ke susu.
10. Motho yo o sa boneng ke sefofu.
11. Motho yo o sa kgoneng go bua ke semumu.
12. Motho yo o tlhakaneng tlhogo ke setsenwa.
13. Motho yo o nyalwang ke monyadiwa.
14. Motho yo o nyalang ke monyadi.
15. Mosadi yo o fetilweng ke lenyalo ke lefetwa.
16. Motho yo o loang ke moloi.
17. Namane e e leng gona e tsalwang ke lebotlana.
18. Namane e e tsetsweng pele ga nako e ntse e sule ke sefolotsana.
19. Boloko jwa namane e e leng gona e tsalwang ke tilane.
20. Kgomo e namagadi e e sa tsaleng ke moreba.
21. Nama e e thugilweng ke tšhotlho kgotsa lerito.
22. Pula e e nang morago ga thobo ke kgogolammoko.
23. Pula e e nang ka boleta e sa dume ke medupe.
24. Bojalwa jwa loso ke maswe.
25. Dijo tsa loso ke mogoga.
26. Kgamelo e e dirilweng ka logong ke morufa.
27. Ngaka e e nesang pula ke moroka.
28. Ngaka e e sa tsholeng ditaola ke tshotšwa.
29. Kgomo e e se nang dinaka ke masope.
30. Kgomo e e palangwang ke lekaba.
31. Kgomo e e gangwang e swetswe ke namane ke sengetsana.
32. Kgomo e e se nang mašwi ke motete.
33. Dipodi tse dintsintsi ke marele.
34. Dinku tse dintsintsi ke letsomane.
35. Bogobe jo bo apeilweng ka mašwi a a lobese ke logala.
36. Bogobe jo bo apeilweng ka mašwi a a bodila ke sebube.
37. Maswe a a tswang mo teng ga ditsebe ke ditshoka.
38. Metsi a a tswang mo matlhong fa motho a lela ke dikeledi.
39. Ngwana yo o swetsweng ke batsadi ke khutsana.
40. Ngwana yo o swetsweng ke bomogoloe a ise a tsalwe ke letlhomela.
41. Mosadi yo o tshotseng ngwana a ise a nyalwe ke lethari.
42. Bolwetse.iwa go dutla madi ka dinko ke ngope.
43. Mašwi a a gangwang fa namane e fetsa go anya lwa bobedi ke morokotso.
44. Mašwi a kgomo e e leng gona e tsalang ke kgatsela.
45. Bogobe jo bo letseng ke molatsa kgotsa sethithi.
46. Bogobe jo bo apeilweng ka momela ke Mogetlo kgotsa Serobo.
47. Bana ba babedi ba ba belegwang ka nako e le nngwe ke mafatlha kgotsa mawelana.
48. Sejo sa mo mosong ke sefitlholo.
49. Sejo sa mantsiboa ke selalelo.
50. Go tsoga phakela thata ke go phakela.
51. Go siiwa ke nako ya go tsoga ke go selwa.
52. Pula ya ntlha ya selemo ke Tsheola.
53. Ngwana yo o ganang go utlwa molao wa batsadi ke Seganana.
54. Mmele wa phologolo e e suleng ke Setoto.
55. Mmele wa motho yo o suleng ke Setopo.
56. Tsie e tonanyana e bidiwa Masoropo / Molongwa.
57. Kgomo e e fagotsweng e godile e bidiwa Sempoo / tshikela.
58. Kgomo, Nku kgotsa Podi e e se nang mong ke letimela.
59. Banna ba ba epang lebitla ke diphiri.
60. Monna yo o tlholang a le mo gare ga basadi ke pharamoseseng.
61. Bojalwa jo bo setseng kwa tlase mo nkgwaneng ke maritse.
62. Motho yo o boatla ke lesutlha.
63. Ntšwa e e bopameng thata ke mokgee.
64. Mašwi a a themisitsweng ke madila.
65. Mmidi o o apeilweng o setse o omeletse ke kabu kgotsa lefata.
Kgomo e e gamiwang ke leradu.
Mašwi a ntlha fa Kgomo e sena go tsala ke kgetsele.
Namane e e leng gona e tsalwang kgotsa e ennye ke lebôtlana.
Nama e e apeiwang ke borre fa kgotleng fa ba bua kgomo ke mothobiso.
Motho yo o ngalangalang fela ke sebetwane.
Nama e e jewang ke basadibagolo kgotsa bo mme ba ba nyetsweng ke ngati.
Nama e e omisitsweng e bo e boa e apeiwa e jewa ke kungwa.
Batho ba ba etelelang kwa pele go seka seka ntwa pele go lowa ke ditlhodi.

Setswana sa popagano setlhopha sa 7 (Tsebe 210-212)

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com